Tiragatso ya Botlhano
Published online by Cambridge University Press: 24 November 2023
Summary
Temana I
Kwa botlhabanelong, fa kgotlengya ga Diratsagae. Batlhabani ba ora molelo, go maitiso.
Diratsagae: Sebolai, motsadi o go sele leina a re,
O “Sebolai sa baba ba Mmuso wa Kgosi”.
Ka moso o bolae, o se ka wa bolawa.
Sebolai: Go tsoga go le rnaswe, Diratsagae, Mokwena,
O tsoga o kopana le Moruakgomo a ga Tshosa.
Diratsagae: Yoo re ilana lekonkong;
Re ilana sa ntša le phiri
Sebolai: Mme ka lo ilana gale, ke a leboga,
Marumo a tsoga a rutha, a ba a laboga.
Diratsagae: Aaa, seo ke’boammaaruri, Sebolai.
Ke tlelwa ke kgakalo jaanong, Sebolai!
Ke ntse ke tukela pele fela, Sebolai !
Ooho ! Digai tsoo re tswela kae, Sebolai !
A ntwa e siame le fa go ntse jalo?
Sebolai: A o ka mpotsa fa ntwa e siame?
Kana ke wena moipoki wa maabane
Yo o iphakileng, wa ba wa ipholola.
Leboko ke leina la bobelo-kgale ntweng,
Mme jalo o tshwanetse go boo itse
Tshiamo le botlhoka-tshiamo jwa ntwa,
Ka o na le maina a gago a a supang
Bobelo-kgale jwa gago mo tlhabanong.
- Type
- Chapter
- Information
- Motswasele II , pp. 79 - 103Publisher: Wits University PressPrint publication year: 2022