Tiragatso ya Boraro
Published online by Cambridge University Press: 24 November 2023
Summary
Temana I
Kwa ntlongya ga Maleke. Go tsena Maleke le Molotlhanyi le Segokotlo.
Maleke: Fa lo mpona nkile ka bo ke le motho,
Ke le motho, ke le matsosa-di-robetse,
Ke tsosa mahuma masigo a letse;
Ke se na le motho go twe o bogale,
Ke mo role mokobori fela a ntebile.
Jaanong ga ke itse sepe se Kgosi e se dirang,
Motswasele ga a na morero ope le nna;
Ke bona go setswe go dirwa ke sa itse;
Mafoko ke a utlwela kgotleng le bontsi.
Ke busitse le dikgosi di le dintsi,
Ke tlhabanetse lefatshe leno gantsi,
Merero yo lone ke tshwanetse go e itse.
Molotlhanyi: Ga ke re o gakologelwa motho yo
Re kileng ra mo tshwara mo ntweng ele
Ya rona le Bakgatla ba-ga-Kgafele?
Ntwa e Legwale o e loleng le Bakgatla kwa Sefikile?
O tla gakologelwa e rile ke ntse ke mo disitse,
Ka tlhaselwa ke diganka tsa Bakgatla di le tharo.
Bolelela Segokotlo jaaka ke ne ka tlhabana.
Ke ne ka tlhabana jaaka nare e tlhasetswe ke ditau;
Ka bolaya Bakgatla ba le babedi;
Mme ka go twe setshwarwa ke ntsa-pedi ga sethata,
Ke ne ka nanoga ka tshaba.
- Type
- Chapter
- Information
- Motswasele II , pp. 33 - 56Publisher: Wits University PressPrint publication year: 2022