Matseno
Published online by Cambridge University Press: 24 November 2023
Summary
Leetile Disang Raditladi o tsaletswe kwa Serowe kwa lefatsheng la Bangwato kwa Botswana ka ngwaga wa 1910. Rraagwe e ne e le Disang Raditladi fa mmaagwe e ne e le Nkwana Rantshosa. O tsaletswe mo lelapeng la segosi la Bangwato.
O simolotse dithuto tsa gagwe kwa sekolong se sepotlana sa Serowe mme a ya go di tsweletsa kwa setheong sa thuto sa Tiger Kloof gaufi le Huhudi kwa Bokonebophirima, mme a ya go dira lokwalo lwa marematlou kwa Lovedale College. Morago o ne a ikwadisetsa go dira lokwalo lwa Bachelor of Arts kwa South African Native College e kwa morago e fetotsweng go nna University of Fort Hare kwa eDikeni (Alice) kwa Kapabotlhaba. Raditladi ga a kgona go fetsa dithuto tsa gagwe mme o ne a boela gae kwa Serowe.
Ka ngwaga wa 1937, Tshekedi, yo o neng a le kgosi ya namaotshwere ya Bangwato, o ne a latofatsa Raditladi ka go ikutswa le mogatse mme a feleletsa a mo imisitse, ngwana a bo a tsholwa. Kgogakgogano ya ga Raditladi le Tshekedi e nnile le tlhotlheletso e kgolo mo bokwading jwa ga Raditladi. Mangwe a maboko a gagwe a ne a ikaegile ka yona kgotlhang eo. Mo lebokong la “Motlhokagae” (Raditladi 1975: 6) Raditladi o ntsha maikutlo a gagwe ka ditatofatso tsa ga Tshekedi:
Lo bule ditsebe, ke bula letlole,
Ke tla duma jaaka segwana sa phefo,
Kgotsa ke duma fela jaaka botlole,
Ke kurutla jaaka diphuka tsa phofo,
Ka bagetsho ba ne ba ntsenya tlhalefo,
Ba mpopela kgomo ya mmopa, ya lela,
Namane ya yone ka ba ka e kotela.
Tiro ya gagwe ya ntlha ya bokwadi e ne e le lotshelo (bayokerafi) lwa ga Khama III lo lo neng lwa amogelwa go ka phasaladiwa a sa ntse a tsenetse dithuto kwa kholetšheng ya Lovedale. Ka go tlhoka lesego, puso ya nako eo ya kwa Tshireletsong (Bechuanaland Protectorate) e ne ya e ema kwa pele mme lokwalo loo lo seke lwa phasaladiwa. Go ne go lebega fa sekgoreletsisegolo e ne e le Tshekedi. Raditladi o ne a latofadiwa ka gore o diritse leyakgatiso leo go tlhasela Tshekedi, yo a neng a setse a sa tlhole a nosana metsi le ena.
- Type
- Chapter
- Information
- Motswasele II , pp. ix - xviiiPublisher: Wits University PressPrint publication year: 2022